Kopano ya bana e bidiwang ka gore ke National Children’s Forum, e neng e tshwatetswe kwa Cape Town bekeng e hulereng, e kgonne go amanya bana ba le bantsi ka bophara jwa naga. Bana ba botlhe ba ile ba nawa tshono ya go buisana ka mathata a bone tebang le bolwetse jwa HIV/AIDS. Seno se ile sa thusa ngwana o mongwe le o mongwe o neng a tsenetse kopano ee go lemoga gore ga ba ba nnotshi mo mathateng ano, ebile go botlhokwa gore ba thube mafatlha ba ntshe maikutlo a bone. Kopano ee ya National Children’s Forum on HIV/AIDS e ile ya boella gape ya naa bana ba tshono ya go bolella baokamedi ba mmuso ka mathata a bone le go ba kopa thuso. Khopotso Bodibe wa Health-e News Service o re begela ka maemo a ba bangwe ba bana ba neng ba le kwa kopanong ee kwa Cape Town.
Duration: 5 min, 11 sec
To obtain a copy of this audio please send a request to Health-e




